A. TAAC ke eng?
Tokologo African Anarchist Collective ke mokgatlo o o ekemetseng wa di anarchist (go ipusa ga batho) le ba ema nokeng ba go ipusa ga batho ba e reng ba batla phetogo setjhabeng le ditirong. Ba tsa karolo ba dira jaaka barutisi TAAC e kopana gangwe le gape go ithuta le go atisa megopolo ya go ipusa ga batho mo bathong ba ba di kobo khutswane mo Afrika borwa.
Megopolo e e batla go thusa go aga mo etlo wa phetogo ya puso le go aga mekgatlo e e matla ya phetogo ya puso go lwa le go tsenya kgatelelo le tiriso e e makgwakgwa ya batho.
B. TAAC e batla go dira eng?
Ba tsaya karolo ba kopana gangwe kgwedi le kgwedi go bua go ganetsana le go ithuta ka megopolo ya go ipusa ga batho. Ba tsa karolo ba kopana go ithuta bokgoni ba go kopanya setjhaba le go kopanya babareki.
Ba tsa karolo ba kopana go atisa ditirelo tsa TAAC. Ketse:
- Ke go kopanya le go tsaya karolo mo dithutong tsa setjhaba sa babereki.
- Go dira le go tsamaisa tlhotlheletso ya dipolitiki e amanang le tiro ya TAAC le anarchism – go ipusa ga batho (tlhotlheletso e akaretsa, lekwalo dikgang la TAAC, dintlha, le di t-shirt).
C. Ke eng re dira se?
TAAC e batla go gagamatsa tlhaloganyo ya anarchism megopolo wa yona, ditsela tsa yona le ma ikemisetso a yona.
TAAC e batla go ikaga ka go gogela batho ba bantsi go tsa karolo mo go TAAC. TAAC e batla go natlafatsa mowa wa moetlo le tshepo mo ntweng le kopano kgatlanong le kgatelelo le tiriso e e makgwakgwa mo setjhabeng. Tsela engwe ya go dira se ke go batla go kopana le gape le mekgatlo e mengwe ya setjhaba e e matlhagatlhaga.
D. Ke mang ooka tsayang karolo mo go TAAC?
Go tsa karolo ha go a dumellwa mongwe le mongwe yo o batlang. Ba tsa karolo ba tshwanetse go ba barutisi ba megopolo ya anarchism. Ba batlang go tsaya karolo ba tshwanetse ba be barutilwe ka megopolo e, le go rutiwa go ruta ba bangwe ka megopolo e TAAC e batlang go natlafatsa tlhaloganyo ya motho ka mongwe ka ga anarchism. Ka jalo motho ka mongwe o tshwanela ke go ela tlhoko megopolo ya TAAC le tsela, le maikemisetso a a batlegang go tsa karolo mo go TAAC.
Go tsaya karolo go dumeletswe motho ka monwe ke tumelano ya ba tsa karolo. E leng gore:
- Motho ka mongwe yo o tsayang karolo mo dithutong tsa setjhaba. Mo dithutong tse motho a ka buisana le o mongwe wa ba TAAC ka keletso ya go tswelela pele ka go ithuta ka ga anarchist kapa a lemogwe ke o mong wa TAAC o o le teng.
- Ka mo motho ka mongwe o tla memiwa go tsa karolo mo dithutong tse di leng teng anarchist political school (APS).
- Motho ka mongwe o tla tsa karolo fa a setse a atlegile mo go APS. Go tsa karolo go dumeletswe motho o o atlegileng mo go APS o e leng anarchist le o e seng anarchist. Go tsaya karolo go dumeletwse ba banang le pono TAAC. Ba tsaya karolo ba ikemeseditse go tlatsa megopolo ya anarchism mo babereking le setjhaba sa dikobo dikhutswane jaaka e le tumelano ya maikemisetso a mokgatlo wa TAAC.
E. Ditumelano tsa TAAC di diriwa jang ke mang?
Di tumelano tsa TAAC di diriwa ke ba tsaya karolo ba TAAC kgwedi le kgwedi ga ba kopana. Ke di kopano tse mo ditiro di tlhopiwang teng le go ithaopa gore o dirang eng. Di tumelano tsa botlhe ba mo kopanong. TAAC e ka thlopha mokgatlo o o ka dirang dilo tse ding jaaka sekao (editorial collective). Mokgatlo o o tlhopiwana le go simollwa mo kopanong. Mokgatlo o itlhopela tiro e o tlae dirang. Fela mokgatlo o o tshwanelwa ke go tshepagala mo bathong botlhe, ba ba mo kopanong. Mokgatlo o tshwanelwa ke go busa karabo gore ba dirileng jang mo kopanong e e latelang jaaka ba laetswe ka tumelano ya batho botlhe.